tn_jdg_text_reg/14/16.txt

1 line
477 B
Plaintext

\v 16 Mosadi wa ga Samosone a simolola go lela fa pele ga gagwe; a re, ''Se o se dirang ke go ntlhoa! Ga o nthate. O boleleltse bangwe ba batho ba gaetsho thamalakane, mme ga o a mpolelela karabo.'' Samosone a mo raya a re, ''Bona fa, fa ke sa bolelela rre kgotsa mme, a ke tshwanetse go go bolelela?'' \v 17 A lela matsatsi otlhe a a supa a mokete. Mo letsatsing la bosupa, mmolelela karabo gonne o ne a mo gateletse mo go golo. A bolelela ba masika a batho ba ga gabo karabo.