tn_jdg_text_reg/14/03.txt

1 line
474 B
Plaintext

\v 3 Rraagwe le mmaagwe ba re, ''A ga go na mosadi gare ga bana ba basetsana ba masika a gago, kgotsa gareng ga batho ba ga rona? A o ya go tsaya mosadi go tswa mo Bafilisitieng ba ba sa rupang?'' Samosone a raya rraagwe a re, ''Mo ntseele, gonne fa ke mo leba, o a intumedisa.'' \v 4 Mme rraagwe le mmaagwe ba ne ba sa itse gore kgang e e ne e le ya Modimo Yahweh, gonne o ne a batla go dira kgotlhang mo Bafilisitieng (gonne ka nako eo Bafilisitia ba ne ba busa Iseraele).