tn_jdg_text_reg/01/27.txt

1 line
495 B
Plaintext

\v 27 \v 28 Batho ba Manase ba ne ba se ka ba koba batho ba ba neng ba nna mo ditoropokgolong tsa Bethe Shane le metse ya yone, kgotsa Taanaka le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Toro le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Ibelime le metse ya yone, kgotsa ba ba neng ba nna mo Mekito le metse ya yone, gonne Bakanana ba ne ba ikaeletse go nna mo lefatsheng leo. E rile fa Iseraele e nonofa, ba patika Bakanana go ba direla mo go makgwakgwa, mme ga ba a ka ba ba koba gotlhelele.