tn_jdg_text_reg/01/16.txt

1 line
393 B
Plaintext

\v 16 \v 17 Bana ba bana ba mogwegadi wa ga Moshe wa Mokenite ba tswa kwa Toropokgolo ya Dipalema le batho ba Juta, ba tsena kwa nageng ya Juta, e e leng Nekefe, go nna le batho ba Juta gaufi le Arata. Mme banna baJuta ba tsamaya le banna ba Simeone, barwarraabone, ba ya go tlhasela Bakanana ba ba neng ba nna kwa Sephata mme ba e senya mo go feletseng. Leina la toropokgolo e ne e le Horoma.