tn_jdg_text_reg/17/03.txt

1 line
491 B
Plaintext

\v 3 \v 4 A busetsa dipapetlana tsa selefera tse di sekete le lekgolo kwa go mmaagwe mme mmaagwe a re, ''Ke beetse fa thoko selefera e go nna ya Modimo Yahweh, gore morwaake a dire ditshwantsho tse di setilweng le tse di tshetsweng. Jalo jaanaong ke a di go busetsa.'' Fa a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya dipapetlana tsa selefera di le makgolo a mabedi a di neela mothudi wa tshipi go dira ditshwantsho tse di setilweng le tse di tshetsweng, mme tsa beiwa mo ntlong ya ga Mika.