tn_jdg_text_reg/11/34.txt

1 line
457 B
Plaintext

\v 34 \v 35 Jefotha a tla kwa legaeng la gagwe kwa Misepha, gone foo morwadie a tswa a tla go mo kopantsha ka dithamporini le go bina. E ne e le morwadie a le nosi fela, kwa ntle ga gagwe o ne a sena morwa le fa e le morwadi. E rile jaaka a mmona, a gagola diaparo tsa gagwe a re, ''Oh! Morwadiaka! O tshwatlile ka khutsafalo, e bile o fetogile e ne yo ntsisetsang setlhabi! Gonne ke ikanetse Modimo Yahweh, mme ga ke ka ke ka fetogela tsholofetso ya me.''