tn_jdg_text_reg/11/01.txt

1 line
539 B
Plaintext

\c 11 \v 1 Jaanong Jefotha wa Mogileate e ne e le senatla sa ntwa, mme e le morwa mogweba-ka-mmele. Gileate e ne e le rraagwe. \v 2 Mosadi wa ga Gileate a mo tsholela barwa ba bangwe. Fa barwa ba mosadi wa gagwe ba se na go gola, ba patika Jefotha go tswa mo ntlong ba mo raya ba re, ''Ga o na go nna le boswa bope mo lelapeng la rona. O morwa wa mosadi yo mongwe.'' \v 3 Jalo Jefotha a tshaba barwarraagwe a ya go nna kwa lefatsheng la Tobe. Banna ba ba ganang molao ba itshwaraganya le Jefotha mme ba ya ditlhaselong ba bo ba boa le ene.