tn_jdg_text_reg/04/17.txt

1 line
426 B
Plaintext

\v 17 Mme Sisera a sia ka dinao a ya kwa tenteng ya ga Jaele, mosadi wa ga Hebere wa Mokeni, gonne go ne go na le kagiso gare ga ga Jabini kgosi ya Hasore le ntlo ya ga Hebere wa Mokeni. \v 18 Jaele a tswela kwa ntle go kopantsha Sisera a mo raya a re, ''Fapogela kwa thoko, mong wa me; fapogela kwa thoko kwa go nna mme o se ka wa tshoga.'' Jalo a fapogela kwa go ene a tsena mo tenteng ya gagwe, mme a mo khurumetsa ka kobo.