tn_jdg_text_reg/04/15.txt

1 line
401 B
Plaintext

\v 15 Modimo Yahweh a dira gore sesole sa ga Sisera se tsietsege, dikolotsana tsotlhe tsa ntwa le masole otlhe. Banna ba ga Baraka ba ba tlhasela, Sisera a fologa kolotsana ya ntwa a sia ka dinao. \v 16 Mme Baraka a alola dikolotsana tsa ntwa le masole go fitlha kwa Haroshethe wa Baditshaba, mme masole otlhe a ga Sisera a bolawa ka bogale jwa tshaka, ga se ka ga nna le fa a le mongwe yo o falolang.