tn_jdg_text_reg/04/01.txt

1 line
550 B
Plaintext

\c 4 \v 1 Morago ga go swa ga ga Ehudu, batho ba Iseraele ba ipoeletsa ba dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh. \v 2 Modimo Yahweh a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Jabini kgosi ya Kanana yo o neng a busa kwa Hasore. Molaodi wa sesole sa gagwe o ne a bidiwa Sisera, o ne a nna kwa Haroshethe wa Baditshaba. \v 3 Batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh gore a ba thuse, gonne Sisera o ne a na le dikolotsana tsa ntwa tsa tshipi di le makgolo a a robang bongwe ebile o ne a gatelela batho ba Iseraele ka dikgoka ka lebaka la dingwaga di le 20.