tn_jdg_text_reg/03/28.txt

1 line
510 B
Plaintext

\v 28 A ba raya a re, ''Ntshalang morago, gonne Modimo Yahweh o gaufi la go fenya baba ba lona, Bamoabe.'' Ba mo sala morago ba gapa matsibogo a Jorotane ntlha e nngwe go lebagana le Bamoabe, mme ba se ka ba letlelela ope go kgabaganya noka. \v 29 Ka nako eo ba bolaya banna ba Moabe ba le dikete tse lesome, botlhe ba ba neng ba nonofile ba kgona. Ga se ka ga nna le fa e le yo mongwe yo o falolang. \v 30 Jalo ka letsatsi leo Moabe a hekeediwa ke thata ya Iseraele. Mme lefatshe la ikhutsa dingwaga di le 80.