tn_jdg_text_reg/13/06.txt

1 line
503 B
Plaintext

\v 6 Foo mosadi a tla a bolelela monna wa gagwe, ''Monna wa Modimo o ne a tsile kwa go nna, mme o ne a lebega jaaka moengele wa Modimo, a boitshega. Ga ke a ka ka mmotsa gore o tswa kae, mme ga a mpolelela leina la gagwe. \v 7 O ne a nthaya a re, 'Leba! O tla ima, o tla tshola morwa. Jalo o se ka wa nwa mofine kgotsa seno se se bogale, gape o se ka wa ja dijo tse molao o di bolelang di itshekologile, gonne ngwana o tla nna Monasareta wa Modimo go tloga a le mo popelong ya gago go fitlhela a swa.'''