tn_jdg_text_reg/03/09.txt

1 line
488 B
Plaintext

\v 9 Fa batho ba Iseraele ba bitsa Modimo Yahweh, Modimo Yahweh a godisa mongwe yo o tla tlang go thusa batho ba Iseraele, yo o tla ba namolang: Otheniele, morwa Kenase( monnawe Kalebe). \v 10 Mowa wa Modimo Yahweh wa mo nonotsha, a atlhola Iseraele mme a ya ntweng. Modimo Yahweh a mo neela phenyo godimo ga ga Khushana Rishathaime kgosi ya Aramo. Seatla sa ga Otheniele sa fenya Khushana Rishathaime. \v 11 Lefatshe la nna le kagiso dingwaga di le 40. Foo Otheniele morwa Kenase a swa.