tn_jdg_text_reg/01/01.txt

1 line
513 B
Plaintext

\c 1 \v 1 Morago ga loso lwa ga Joshua, batho ba Iseraele ba botsa Modimo Yahweh ba re, ''Ke mang yo o tla re tlhaselelang Bakanana pele, fa re lwa le bone?'' \v 2 Modimo Yahweh a re, ''Juta o tla tlhasela. Bonang, ke ba neile taolo ya lefatshe le.'' \v 3 Banna ba Juta ba raya banna ba Simeone, barwarraabone, ''Tlang le rona mo lefatsheng le re le abetsweng gore mmogo re tle le lwe le Bakanana. Mme le rona re tla tsamaya le lona kwa lefatsheng le le le abetsweng.'' Jalo morafe wa Simeone wa tsamaya le bone.