tn_jdg_text_reg/11/29.txt

1 line
495 B
Plaintext

\v 29 Foo Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go Jefotha, mme a ralala Gileate le Manase, mme a ralala le Misepha wa Gileate, mme go tswa kwa Misepha wa Gileate a ralala a ya kwa bathong ba Amone. \v 30 Jefotha a direla Modimo Yahweh maikano a re, ''Fa o ka mpha phenyo godimo ga batho ba Amone, \v 31 foo le fa e le eng se se tswang ka mabati a ntlo ya me go nkopantsha fa ke boa ka kagiso go tswa kwa bathong ba Amone e tla nna sa Modimo Yahweh, e bile ke tla se nstha e le moneelo o o fisiwang.''