tn_jdg_text_reg/21/23.txt

1 line
428 B
Plaintext

\v 23 Batho ba Benjamene ba dira jalo. Ba tsaya palo ya basadi e ba neng ba e tlhoka mo basetsaneng ba ba neng ba bina, mme ba ba tsaya ba ya go nna basadi ba bone. Ba tsamaya ba boela kwa lefelong la boswa la bone; ba aga sesha ditoropo, mme ba nna mo go tsone. \v 24 Foo batho ba Iseraele ba tswa mo lefelong leo ba ya gae, mongwe le mongwe a ya kwa morafeng le kgotlaneng ya gagwe, mme mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe.