tn_jdg_text_reg/21/08.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 8 Ba bua ba re, ''Ke morafe ofe wa Iseraele o o sa tlang kwa go Modimo Yahweh kwa Misepha?'' Go ne ga fitlhelwa e le gore go ne go se na yo o tsileng kwa kokoanong go tswa kwa Jabeshe Gileate. \v 9 Gonne fa batho ba ne ba bewa ka maemo a a lolameng, bonang, go ne go se na ope wa banni ba Jabeshe Gileate yo o neng a le teng. \v 10 Kokoano ya romela banna ba bone ba ba pelokgale thata ba le dikete tse lesome le bobedi ka taelo ya go ya kwa Jabeshe Gileate go ba tlhasela, le go ba bolaya, le basadi le bana.