tn_jdg_text_reg/21/01.txt

1 line
442 B
Plaintext

\c 21 \v 1 Jaanong banna ba Iseraele ba ne ba dirile tsholofetso kwa Misepha, ''Ga go na ope wa rona yo o tla neelang Mobenjamene morwadie gore a mo nyale.'' \v 2 Foo batho ba ya kwa Bethele mme ba nna koo fa pele ga Modimo go fitlhelela maitseboa, mme ba lelela kwa godimo mo go botlhoko. \v 3 Ba bitsa, ''Goreng, Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, gore se se bo se diragaletse Iseraele, gore mongwe wa merafe ya rona o bo o seyo gompieno?''