tn_jdg_text_reg/20/32.txt

1 line
449 B
Plaintext

\v 32 Foo batho ba Benjamene ba re, ''Ba a fenngwa, mme ba a sia, fela jaaka ka nako ya ntlha.'' Mme masole a Iseraele a re, ''A re sieleng kwa morago re ba gogele kgakala le toropokgolo re ba ise kwa ditseleng.'' \v 33 Batho botlhe ba Iseraele ba emelela go tswa mo mafelong a bone ba ithulaganyetsa ntwa kwa Baale Tamara. Foo masole a Iseraele a a neng a iphitlhile mo mafelong a sephiri a siana go tswa mo mafelong a bone go tswa kwa Maare Gibea.