tn_jdg_text_reg/20/05.txt

1 line
437 B
Plaintext

\v 5 Mo bosigong, baeteledipele ba Gibea ba ntlhasela, ba dikaganyetsa ntlo ba ikaeletse go mpolaya. Ba tsaya ba bo ba betelela nyatsi ya me, mme ya swa. \v 6 Ka tsaya nyatsi ya me ka kgaoganya mmele wa yone ditoki, mme ka di romela kwa nngwe le nngweng ya dikgaolo tsa boswa jwa Iseraele, gonne ba dirile boikepo jo bo ntseng jaana le dilo tse di kgopisang mo Iseraele. \v 7 Jaanong, lona Baiseraele lotlhe, ntshang kgakololo gone fa.''