tn_jdg_text_reg/18/01.txt

1 line
611 B
Plaintext

\c 18 \v 1 Mo matsatsing ao go ne go se na kgosi mo Iseraele. Morafe wa bana ba ga Tene o ne o batla lefelo le ba ka nnang mo go lone, gonne go fitlha ka letsatsi leo ba ne ba ise ba amogele boswa bope mo gare ga merafe ya Iseraele. \v 2 Batho ba Tene ba romela banna ba le batlhano go tswa mo palong yotlhe ya morafe wa bone, banna ba e neng e le batlhabani ba ba nang le maitemogelo go tswa kwa Sora le Eshetaole, go tlhola lefatshe ba tsamaya ka dinao le go le bona. Ba ba raya ba re, ''Tsamayang le ye bona lefatshe.'' Ba goroga kwa lefatsheng la dithaba la Iforeimi, kwa ntlong ya ga Mika, mme ba lala foo.