tn_jdg_text_reg/16/28.txt

1 line
396 B
Plaintext

\v 28 Samosone a bitsa Modimo Yahweh a re, ''Morena Yahweh, nkgakologelwe! Tsweetswee nthatafatse gangwe fela, Modimo, gore ke tle ke ipusolosetse ka go itaya gangwe Bafilisitia ka lebaka la gore ba tsere matlho a me.'' \v 29 Samosone a tshwara dipilara tse di fa gare tse di tshegeditseng kago, mme a itshegetsa ka tsone, pilara e nngwe a e tshwara ka seatla sa moja e nngwe ka seatla sa molema.