tn_jdg_text_reg/16/10.txt

1 line
554 B
Plaintext

\v 10 Telila a raya Samosone a re, ''Ke ka fa o ntsieditseng teng wa bo wa mpolelela maaka. Tsweetswee, mpolelele gore o ka fenngwa jang.'' \v 11 A mo raya a re, ''Fa ba ka mpofa ka megala e mesha e e iseng e bereke, ke tla nna bokoa ke bo ke nna jaaka monna mongwe le mongwe.'' \v 12 Jalo Telila a tsaya megala e mesha a mmofa ka yone, a mo raya a re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' Banna ba ba neng ba letile ba ne ba le mo kamoreng e e ka kwa teng. Mme Samosone a kgaola megala go tswa mo matsogong a gagwe jaaka ekete ke setoki sa leodi.