tn_jdg_text_reg/16/08.txt

1 line
429 B
Plaintext

\v 8 Foo babusi ba Bafilisitia ba tsisa kwa go Telila dithapo tse disha tsa bora tse di iseng di omisiwe di supa, mme a bofa Samosone ka tsone. \v 9 Jaanong o ne a na le banna ba iphitlhile mo sephiring, ba nna mo kamoreng ya gagwe e e kwa teng. A mo raya a re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' Mme a kgaola dithapo tsa bora jaaka ekete ke leodi le amana le molelo. Mme ba se ka ba ithuta ka sephiri sa thata ya gagwe.