tn_jdg_text_reg/15/12.txt

1 line
391 B
Plaintext

\v 12 Ba raya Samosone ba re, ''Re tsile kwano go go bofa re bo re go rolela mo diatleng tsa Bafilisitia.'' Samosone a ba raya a re, ''Inkaneleng gore ga le na go mpolaya lona.'' \v 13 Ba mo raya ba re, ''Nyaya, rona re tsile fela go go bofa ka megala re bo re go ba neela. Re solofetsa gore ga re na go go bolaya.'' Foo ba mmofa ka megala e mebedi e mesha ba mo tsisa go tswa kwa letlapeng.