tn_jdg_text_reg/14/07.txt

1 line
477 B
Plaintext

\v 7 Samosone a tsamaya a ya go bua le mosadi, fa a mo leba, a mo itumedisa. \v 8 Matsatsi a se kae fa a boa go mo nyala, a fapogela kwa thoko go batla mmele wa tau. Mme, bonang, ga bo go na le dinotshi le tswine mo masaleleng a mmele wa tau. \v 9 A halela tswine mo diatleng tsa gagwe, a tswelela pele le mosepele, a ja tswine mo tseleng. Fa a fitlha kwa go rraagwe le mmaagwe, a ba neela, mme ba ja. Mme a se ka a ba bolelela gore o tsere tswine mo masaleleng a mmele wa tau.