tn_jdg_text_reg/13/03.txt

1 line
529 B
Plaintext

\v 3 Moengele wa Modimo Yahweh a mo iponagaletsa a mo raya a re, ''Bona jaanong, o ntse o sa kgone go ima, e bile o ntse o ise o ko o tshole, mme o tsile go ima o bo o tshola morwa. \v 4 Jaanong ela tlhoko gore ga o nwe mofine kgotsa seno sepe se se bogale, e bile o se ka wa ja sepe se se itshekologileng. \v 5 Leba, o tla ima o bo o tshola morwa. Legare ga le na go dirisiwa mo tlhogong ya gagwe, gonne ngwana o tla nna Monasareta wa Modimo go tswa popelong, mme o tla simolola go golola Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.''