tn_jdg_text_reg/11/17.txt

1 line
506 B
Plaintext

\v 17 Fa Iseraele a romela barongwa kwa kgosing ya Etome a re, 'Tsweetswee re letle go ralala lefatshe la gago; kgosi ya Etome a se ka a reetsa. Ba ne gape ba romela barongwa kwa kgosing ya Moabe, mme a gana. Jalo Iseraele a nna kwa Kateshe. \v 18 Foo ba ralala sekaka ba hularela lafatshe la Etome le lefatshe la Moabe, mme ba tsamaya ka fa letlhakoreng la botlhabatsatsi la lefatshe la Moabe ba kampa ntlha e nngwe ya Aranone. Mme ga ba a ka ba tsena mo Moabe, gonne Aranone e ne e le molelwane wa Moabe.