tn_jdg_text_reg/11/09.txt

1 line
537 B
Plaintext

\v 9 Jefotha a raya bagolwane ba Gileate a re, ''Fa le nkisa gae gape go lwa le batho ba Amone, mme fa Modimo Yahweh a re fa phenyo godimo ga bone, ke tla nna moeteledipele wa lona.'' \v 10 Bagolwane ba Gileate ba raya Jefotha ba re, ''A Modimo Yahweh a nne mosupi gareng ga rona fa re sa dire jaaka re bua!'' \v 11 Jalo Jefotha a tsamaya le bagolwane ba Gileate, mme batho ba mo dira moeteledipele le molaola sesole godimo ga bone. Fa a le fa pele ga Modimo Yahweh kwa Misepha, Jafotha a boelela ditsholofetso tsotlhe tse a di dirileng.