tn_jdg_text_reg/09/48.txt

1 line
524 B
Plaintext

\v 48 Abimeleke a tlhatlogela kwa thabeng ya Salamone, ene le banna ba ba neng ba na le ene. Abimeleke a tsaya selepe a kgaola dikala tsa setlhare. A di baya mo legetleng la gagwe , a laola banna ba ba neng ba na le ene, ''Se le boneng ke se dira, itlhaganeleng le se dire.'' \v 49 Jalo mongwe le mongwe a kgaola dikala a sala Abimeleke morago. Ba di tlhatlaganya di ikaegile ka lobota lwa ntlo e e kwa godimo, ba e tshuba, gore batho botlhe ba ntlo e e kwa godimo ya Shekeme lebone ba swe, banna le basadi ba ka nna sekete.