tn_jdg_text_reg/09/44.txt

1 line
394 B
Plaintext

\v 44 Abimeleke le ditlhopha tse a neng a na le tsone ba tlhasela ba bo ba thiba fa go tsenwang teng fa kgorong ya toropokgolo. Ditlhopha tse pedi tse dingwe tsa tlhasela botlhe ba ba neng ba le mo nageng ba ba bolaya. \v 45 Abimeleke a lwa le toropokgolo letsatsi leo lotlhe. A gapa toropokgolo, a bolaya batho ba ba mo go yone. A digela fa fatshe dipota tsa toropokgolo a bo a e gasa letswai.