tn_jdg_text_reg/08/15.txt

1 line
417 B
Plaintext

\v 15 Gitione a tla kwa banneng ba Sukothe a re, ''Bonang Seba le Salamuna, ba le neng la ntshotla ka ga bone le re, 'A o setse o fentse Seba le Salamuna? Ga re itse gore re tlamega go neela sesole sa gago borotho.''' \v 16 Gitione a tsaya bagolwane ba toropokgolo, mme a otlhaya banna ba Sukothe ka mmitlwa wa sekaka. \v 17 Mme a digela fa fatshe kago e e kwa godimo ya Penuele a bo a bolaya banna ba toropokgolo eo.