tn_jdg_text_reg/07/13.txt

1 line
487 B
Plaintext

\v 13 Fa Gitione a goroga koo, monna mongwe o ne a bolelela mopati wa gagwe toro. Monna a re, ''Leba! Ke ne ka nna le toro, ka bona borotho jo bo kgolokwe jwa bali bo kgokologela mo kampeng ya Midiana. Jwa tla kwa tenteng, jwa e itaya thata mo e neng ya wa e lebile kwa godimo, ya bo ya sala e alegile fa fatshe.'' \v 14 Monna yo mongwe a re, ''Se ga se sepe fa e se tshaka ya ga Gitione(morwa Joashe), wa Moiseraele. Modimo o mo file phenyo godimo ga Midiana le sesole sotlhe sa bone.''