tn_jdg_text_reg/02/20.txt

1 line
635 B
Plaintext

\v 20 Bogale jwa Modimo Yahweh jwa tukela Iseraele; a re, ''Ka gore tshaba e e robile mabaka a kgolagano ya me e ke neng ke e tlhometse borraabone - ka lebaka la gore ga ba a reetsa lentswe la me = \v 21 ga ke kitla, go tloga fa go ya pele, ke koba sepe sa ditshaba tse Joshua a di tlogetseng fa a swa. \v 22 Ke tla dira se gore ke tle ke leke Iseraele, go bona gore a ba tla tshegetsa kgotsa ga ba na go tshegetsa tsela ya Modimo Yahweh, ba bo ba tsamaya mo go yone jaaka borraabone ba e tshegeditse.'' \v 23 Ke sone se Modimo Yahweh a neng a tlogela ditshaba tseo, mme a se ka a di koba ka bonako a di neela mo seatleng sa ga Joshua.