tn_jdg_text_reg/02/18.txt

1 line
558 B
Plaintext

\v 18 Fa Modimo Yahweh a ba godisetsa baatlhodi, Modimo Yahweh o ne a thusa baatlhodi mme a ba namole mo seatleng sa baba ba bone mo matsatsing a moatlhodi a a tshelang. Modimo Yahweh o ne a ba tlhomogela pelo fa ba bobola ka lebaka la ba ba neng ba ba gatelela ba bo ba ba tlhokofatsa. \v 19 Mme fa moatlhodi a swa, ba ne ba fapoga ba dira dilo tse di bodileng go feta tse borraabone ba di dirileng. Ba ne ba sala badimo ba bangwe morago go ba direla le go ba obamela. Ba ne ba gana go tlogela ditiro tsa bone tse di bosula kgotsa mekgwa ya bone ya bodipa.