tn_jdg_text_reg/02/06.txt

1 line
451 B
Plaintext

\v 6 Jaanong fa Joshua a se na go romela batho gore ba tsamaye, mongwe le mongwe wa batho ba Iseraele a ya kwa lefelong le a le abetsweng, go rua lefatshe la gagwe. \v 7 Batho ba ne ba direla Modimo Yahweh ka nako ya go tshela ga ga Joshua le bagolwane ba ba neng ba tshela boleele go mo feta, bao ba boneng ditiro tse dikgolo tse Modimo Yahweh a di diretseng Iseraele. \v 8 Joshua morwa Nune, motlhanka wa Modimo Yahweh, o sule a le dingwaga tse 110.