tn_jdg_text_reg/01/08.txt

1 line
482 B
Plaintext

\v 8 Banna ba Juta ba lwa le toropokgolo ya Jerusalema mme ba e gapa. Ba ne ba e tlhasela ka bogale jwa tshaka mme ba tshuba toropokgolo ka molelo. \v 9 Morago ga foo, banna ba Juta ba ya go lwa le Bakanana ba ba neng ba nna kwa lefatsheng la dithaba, mo Nekefe, le mehapha ya dithaba tsa bophirimatsatsi. \v 10 Juta a tsamaela kwa pele kgatlhanong le Bakanana ba ba neng ba nna kwa Heberone ( leina la Heberone e ne e le Kiriathe Araba ), mme ba fenya Sheshai, Ahimane, le Talamai.