\v 24 Morago ga Ehudu a sena go tsamaya, batlhanka ba kgosi ba tla; ba bona mabati a komore e e kwa godimo a lotletswe, jalo ba akanya ba re, ''Ammaaruri o a ikgolola mo botsiditsaneng jwa kamore e e kwa godimo.'' \v 25 Ba ne ba tswelela ba tlhobaela go fitlhela ba ikutlwela gore ba itlhokolosa tiro ya bone fa kgosi a ntse a sa bule mabati a kamore e e kwa godimo. Jalo ba tsaya selotlolo ba a bula, mme mong wa bone a bo a rapaletse foo, a wetse fatshe mo bodilong, a sule.