\v 11 Batho ba Iseraele ba dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh ba direla Bobale. \v 12 Ba intsha mo go Modimo Yahweh, Modimo wa borraabone, yo o ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto. Ba ne ba sala morago medimo e mengwe, medimo ya batho ba ba nnang go ba dikologa, mme ba e ikobela. Ba ne ba tena Modimo Yahweh ka gore \v 13 ba ne ba intsha mo go Modimo Yahweh ba bo ba obamela Bale le diAshetorethe.