\v 17 Batho ba Iseraele, go sa balelwe ba ba tswang Benjamene, ba ne ba le dikete tse di makgolo a mane tsa banna, ba ba neng ba katisitswe go lwa ka tshaka. Botlhe ba e ne e le banna ba ntwa. \v 18 Batho ba Iseraele ba emelela, ba ya kwa Bethele, mme ba kopa kgakololo mo Modimong. Ba botsa, ''Ke mang yo a tla re tlhaselelang batho ba Benjamene pele?'' Modimo Yahweh a re, ''Juta o tla tlhasela pele.''