\v 32 Jalo Jefotha a ralala a ya kwa bathong ba Amone a ya go lwa le bone, mme Modimo Yahweh a mo neela phenyo. \v 33 A ba tlhasela a dira gore go nne le polao e kgolo go tswa kwa Aroa go ya bokgakaleng jwa Minithi - ditoropokgolo tse masome mabedi - le go ya kwa Abele Keramimi. Jalo batho ba Amone ba tsenngwa ka fa tlase ga taolo ya batho ba Iseraele.