\v 27 Gitione a dira khiba ya kobamelo ka manyena a e baya mo toropokgolong ya gagwe, mo Ofera, mme Iseraele otlhe a e ikgwebisetsa-ka-mmele ka go e obamela koo. Ya nna selaga mo go Gitione le ba ba mo ntlong ya gagwe. \v 28 Jalo Midiana a fenngwa fa pele ga batho ba Iseraele, mme ba se ka ba tlhola ba tsholetsa ditlhogo gape. Mme lefatshe la nna le kagiso dingwaga di le masome a mane mo matsatsing a ga Gitione.