tn_hos_text_reg/02/02.txt

1 line
439 B
Plaintext

\v 2 Sekisa mmaago, mmone molato, gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose bogweba-ka-mmele fa pele ga gagwe, le ditiro tsa gagwe tsa boaka fa gare ga mabele a gagwe. \v 3 Go sa nneng jalo, ke tla mo apola diaparo ke bo ke supa bosaikategang jwa gagwe bo tshwana le letsatsi le a tsetsweng ka lone. Ke tla mo dira gore a tshwane le sekaka, jaaka lefatshe le le kwakwaletseng, gape ke tla dira gore a swe ka lenyora.