tn_hos_text_reg/10/05.txt

1 line
431 B
Plaintext

\v 5 Banni ba Samarea ba tla boifa ka lebaka la dinamane tsa Bethe Abene. Batho ba teng ba ne ba di hutsafalela, jaaka baperesiti ba ba obamelang medingwana ya disetwa ba ba kileng ba di itumelela le bontle jwa tsone, mme ga di sa tlhole di le teng. \v 6 Di tla rwalelwa kwa Asiria jaaka mpho ya kgosi e kgolo. Iforaime o tla latlhegelwa ke seriti, mme Iseraele o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntata ya mdingwana wa disetwa wa gagwe.