tn_hos_text_reg/04/13.txt

1 line
586 B
Plaintext

\v 13 Ba dira dithabelo mo ditlhoeng tsa dithaba ba bo ba fisa maswalo mo dithabaneng, ka fa tlase ga maoka, mapopolara le materebinthi, ka gore meriti ya teng e siame. Jalo barwadialona ba dira botlhaswa jwa thobalo, mme dingwetsi tsa lona di dira boaka. \v 14 Ga ke na go otlhaya barwadialona fa ba ikgethela go dira botlhaswa jwa thobalo, le fa e le dingwetsi tsa lona fa di dira boaka. Gonne banna le bone ba ineela bagweba-ka-mmele, ba ntsha ditlhabelo gore ba tle ba dire ditiro tsa bosutlha le bagweba-ka-mmele ba kobamelo. Jalo batho ba ba sa tlhaloganyeng ba ba tla thankgolwa.