tn_hos_text_reg/03/01.txt

1 line
583 B
Plaintext

\c 3 \v 1 Modimo Yahweh a nthaya a re, ''Tsamaya gape, rata mosadi yo o ratiwang ke monna wa gagwe, mme yo e leng seaka. Mo rate fela jaaka nna, Modimo Yahweh, ke rata bana ba Iseraele, le ntswa ba retologela kwa medimong e sele ebile ba rata dikuku tsa moretlwa o o omisitsweng.'' \v 2 Jalo ka mo ithekela ka dipapetlana tsa selefera di le lesome le botlhano, le selekanyo se se beilweng sa bali. \v 3 Ka mo raya ka re, ''O tshwanetse go nna le nna matsatsi a le mantsi. Ga o ke o nna mogwebi ka mmele kgotsa o nna wa monna yo mongwe. Ka tsela e e ntseng jalo, ke tla nna le wena.''