tn_hos_text_reg/02/06.txt

1 line
379 B
Plaintext

\v 6 Jalo he ke tla aga legora ke bo ke thiba tsela ya gagwe ka mmitlwa. Ke tla aga lebota kgatlhanong le ene gore a se ka a bona tsela ya gagwe. \v 7 O tla siana fa morago ga baratiwa ba gagwe, mme ga a kitla a ba tshwara. O tla ba batla, mme ga na go ba bona. O tla bua a re, ''Ke tla boela kwa monneng wa me wa ntlha, gonne go ne go ntshiametse ka nako eo go na le gompieno.''