\v 15 Le fa wena, Iseraele, o dirile boaka, a Juta a se ka a ikutlwa a le molato. Le se ka la ya kwa Kilikala, batho ke lona; le se ka la ya kwa Bethe Abene. Le se ka la ikana le re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela.'' \v 16 Gonne Iseraele o ne a nna bodipa, jaaka moroba wa kgomo o o bodipa. Modimo Yahweh o ka ba isa mafulong mo mokgatsheng jaaka dikwana jang?