tn_gen_text_reg/02/18.txt

1 line
531 B
Plaintext

\v 18 Jalo Jehofa Modimo a re,''Ga go a siama gore monna a bo a le nosi.'' Ke tla a mo direla mothusi yo o mo tshwanetseng.'' \v 19 Go tswa mo mmung Jehofa Modimo o dirile diphologolo tsotlhe tsa naga le dinonyane tsa loapi. A bo a di isa kwa monneng gore a di bitse maina. Setshidi sengwe le sengwe se monna a sebiditseng, ya nna leina la sone. \v 20 Jalo monna a fa diruiwa tsotlhe maina, dinonyane tsotlhe tsa loapi, le dibatana tsotlhe tsa naga. Mme mo monneng ka sebele go ne go sena mothusi ope yo o mo tshwanetseng.