tn_gen_text_reg/31/26.txt

1 line
345 B
Plaintext

\v 26 Labane a raya Jakoba a re, ''O dirileng, mo o ntsieditseng wa bo wa tsaya barwadiake jaaka magolegwa a ntwa? \v 27 Ke eng o tshabile mo sephiring mme wa se ka wa mpolelela? Ke ka bo ke go laetse ka boipelo le dipina, ka meropana le diharepa. \v 28 Ga o a ntetlelela go atla bana banake le barwadiake ke ba laela. Jaanong o dirile boeleele.